Luke 22

Judase o dumalana go oka Jesu

1Mme jaanong moletlo wa Tlolaganyo wa bo o le gaufi, moletlo wa Sejuta o go neng go dirisiwa senkgwe se se sa bedisiwang. 2Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba tumelo ba ne ba tlhoafaletse polao ya ga Jesu ba leka go senka tsela e ba ka mmolayang ka yone kwa ntle ga go tsosa mokubukubu, selo se ba neng ba se tshaba segolo.

3Mme Satane a tsena mo go Judase Isekariota, yo e neng e le mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi, 4a ya kwa baperesiting ba bagolo le bagolwane ba batlhokomedi ba Tempele go ya go buisanya ka tsela e e siameng ya go ba okela Jesu.

5Mme ba ne ba rata, ba itumelela go itse fa a ipaakanyeditse go ba thusa mme ba mo solofetsa tuelo. 6Hong a simolola go ba senkela nako ya go tshwara Jesu ka tidimalo batho ba seyo.

Selalelo sa bofelo

7Mme letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo la fitlha, le ka lone kwana ya modiro e neng ya bolawa ya ba ya jewa le senkgwe se se sa bedisiwang. 8Jesu a roma Petere le Johane go ya go batla felo fa go tlaa baakanyediwang Tlolaganyo ya bone gone.

9Mme ba botsa ba re, “O batla re ya kae?”

10Mme a fetola a re, “E tlaa re fela fa lo tsena mo Jerusalema, lo tlaa bona monna a tshotse nkgwana ya metsi. Mo lateleng go ya kwa lwapeng lo a tsenang mo go lone, 11mme lo reye monna yo o nnang foo lo re, ‘Moruti wa rona a re o re kaele ntlo ya baeti fa a ka jelang Tlolaganyo gone le barutwa ba gagwe.’ 12Mme o tlaa lo tseela kwa godimo kwa tlung e tona e re setseng re e baakanyeditswe. Ke lone lefelo leo. Tsamaelang pele lo ye go baakanya dijo gone.”

13Mme ba tswa ba ya kwa motseng mme ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse fela jaaka Jesu a boletse, mme ba baakanya dijo tsa Tlolaganyo. 14Mme Jesu le ba bangwe ba goroga, mme ka nako e e tshwanetseng ba nna fa fatshe botlhe fa lomating lwa bojelo; 15mme a ba raya a re, “Ke lebeletse lobaka lo ka tlhoafalo e kgolo, ke batla go ja Tlolaganyo e le lona pele ga pogiso ya me e simologa. 16Gonne ke a lo bolelela gompieno gore ga nkitla ke tlhola ke e ja gape; go fitlhela se e se emetseng se diragala mo Bogosing jwa Modimo.”

17Mme a tsaya senwelo sa mofine, ya re a sena go se lebogela a re, “Tsaya se lo se kgaogane. 18Gonne ga nkitla ke e nwa mofine gape go fitlhelela Bogosi jwa Modimo bo tla.”

19Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, “Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me.” 20Morago ga dijo a ba naya senwelo se sengwe sa mofine a re, “Mofine o, ke sesupo sa kgolagano e ncha ya Modimo go lo boloka, kgolagano e e kanetsweng ka madi a ke tlaa a tshololang go reka mewa ya lona. 21Mme fano fa lomating lwa bojelo go ntse mongwe jaaka tsala mo gare ga rona, ke ene monna yo o tlaa nkokang. 22Ke tshwanetse go swa. Ke ntlha nngwe ya leano la Modimo. Mme bomadimabe bo letile monna yo, yo o nkokang,”

23Mme barutwa ba ikgakgamalela gore ke ofe wa bone yo o ka dirang selo se se ntseng jalo.

Barutwa ba ganetsana gore yo mogolo e tlaa nna mang

24Ba simolola go ganetsanya gore ke ofe yo o tlaa nnang mo maemong a a kwa godimo [mo Bogosing jo bo tlang].

25Mme Jesu a ba raya a re, “Mo lefatsheng leno dikgosi le banna ba batona ba laola batlhanka ba bone, mme batlhanka ga ba ke ba itlhophela fa e se go ineela fela! 26Mme mo gare ga lona, ene yo o lo direlang ke ene o tlaa nnang moeteledipele wa lona. 27Mo lefatsheng Morena o nna fa lomating lwa bojelo mme a direlwe ke batlhanka ba gagwe. Mme e seng fano! Gonne ke motlhanka wa lona. 28Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore lo ntse lo le boammaaruri mo go nna mo malatsing a a matshwenyego, 29le ka ntlha ya gore Rre a nneetse Bogosi, le Nna gompieno ke lo naya tshwanelo, 30ya go ja le go nwa fa lomating lwa bojelo mo Bogosing joo; mme lo tlaa nna mo ditilong tsa segosi lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.

31“Simone, Simone, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a lo fefere jaaka mabele, 32mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya fenngwa gotlhelele. Mme e re fa o sena go sokologa o bo o boela mo go nna gape, o nonotshe tumelo ya bakaulengwe ba gago o bo o e age.” 33Simone a re, “Morena ke ipaakanyeditse go ya kgolegelong le wena, le go swa le wena.”

34Mme Jesu a mo raya a re, “Petere, mma ke go bolelele sengwe. Go simolola ka nako eno go ya go tsena ka moso mo mosong fa mokoko o lela, o tlaa bo o intatotse gararo, o bolela gore ga o nkitse.” 35Mme Jesu a ba botsa a re, “E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?” Mme ba fetola ba re, “Re tsamaile sentle.”

36A re, “Jaanong a yo o nang le sekgwama a se tseye le madi. Mme le yo o senang chaka, go botoka gore a rekise diaparo tsa gagwe a ye go e reka! 37Gonne lobaka lo fitlhile lwa gore polelelo pele ka ga me e e reng: ‘O tlaa bonwa molato jaaka dinokwane,’ e diragale! Ee, sengwe le sengwe se se kwadilweng ka ga me ke baporofiti se tlaa diragala.”

38Mme ba fetola ba re, “Morena, re na le dichaka tse pedi,” mme a ba fetola a re, “Di lekane!”

Jesu o rapela kwa Thabeng ya lotlhware

39Mme a tswa mo tlung e e kwa godimo a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka gale. 40Mme ya re teng koo a ba raya a re, “Rapelang Modimo gore lo se ka lwa fenngwa ke thaelo.”

41
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 22:42.
42
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 22:41-42.
Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.”
43Mme moengele yo o tswang legodimong a iponatsa a mo nonotsha, 44gonne o ne a le mo tlhokofatsong ya mowa mo o neng a rotha mofufutso wa madi; ka marothodi a magolo a wela fa fatshe fa a ntse a rapela thata ka tlhoafalo. 45Mme ya re lwa bofelo a boela gape kwa barutweng ba gagwe, a ba fitlhela ba robetse, ba lapisitswe ke bohutsana.

46A ba raya a re, “A lo robetse! Tsogang! Rapelang gore lo se ka lwa fenngwa fa lo raelwa.”

Go tshwarwa ga ga Jesu

47Mme ya re fa a sa ntse a bua jaana lesomo la batho la tla le eteletswe pele ke Judase, mongwe wa barutwa ba gagwe ba ba neng ba le lesome le bobedi. Judase a tsamaela kwa go Jesu a mo atla mo lerameng ka tumediso ya botsalano.

48Mme Jesu a mo raya a re, “Judase ke eng fa o dira jaana, o oka Morwa Motho ka katlo?”

49Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tlaa tlogang se direga ba goa ba re, “Morena a re ka lwa? Re tsile le dichaka!”

50Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola.

51Mme Jesu a re, “Lo seka lwa busolosa ka gope”. Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa. 52Mme Jesu a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba batlhokomedi ba Tempele le baeteledipele ba tumelo ba ba neng ba eteletse lesomo la batho pele. A botsa a re, “A ke serukutlhi, fa lo tsile ka dichaka le melamu go ntshwara jaana?” 53Ke eng fa lo ne lo sa ntshware mo Tempeleng. Ke ne ke le koo malatsi otlhe. Mme lo ke lobaka lwa lona, lobaka lo nonofo ya ga Satane e busang thata ka lone.

Petere o itatola Jesu

54Jalo ba mo tshwara ba mo isa kwa bonnong jwa Moperesiti yo Mogolo, mme Petere a ba latela a katogetse kgakajana. 55Mme masole a gotsa molelo mo lwapeng ba nna fa fatshe ba ora, mme Petere a ora nabo.

56Mme motlhanka wa morweetsana a mo lemoga mo leseding la molelo hong a simolola go mo tlhoma matlho. Mme ya re lwa bofelo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu!”

57Petere a itatola a re, “Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!”

58Morago ga lobakanyana mongwe a mo leba a re, “O tshwanetse wa bo o le mongwe wa bone!” Petere a fetola a re, “Nnyaa rra, ga ke ene!”

59E rile kwa moragonyana e ka nna lobaka lwa oura mongwe a tlhomamisa a re, “Ke itse motho yo, ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, gonne ba tswa Galalea mmogo.”

60Mme Petere a re, “Monna ke wena, ga ke itse gore o bua kaga eng.” Mme ya re a bua mafoko a, mokoko wa lela.

61Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.” 62Hong Petere a tswa mo lwapeng, a lela mo go botlhoko.

Jesu o a thamathamisiwa

63
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 22:64.
64
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 22:63-64.
Mme badisa ba ba neng ba disitse Jesu ba simolola go mo sotla. Ba mo fapa matlho ba mo itaya ka mabole ba mmotsa ba re, “E mang yo o neng a go itaya ka nako eo, moporofiti?”
65Ba mo tlhaeletsa ka matlhapa a mefuta yotlhe.

66E rile letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang Kgotla e Tona ya Sejuta ya phuthega, go na le baperesiti ba bagolo le baruti ba molao ba bagolo ba Sechaba, Jesu a tlisiwa fa pele ga Lekgotla leo, 67
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 22:68.
68
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 22:67-68.
mme a tewa gatwe a tlhomamise gore a o ipitsa Mesia kgotsa nnyaa. Mme a fetola a re, “Le fa nka lo bolelela ga lo kitla lo ntumela kgotsa lo ntetla go ntsha ngongorego ya me.

69“Mme nako e e tla ka bofefo fa Nna, Morwa Motho, ke tlaa nnang fa seatleng se segolo sa nonofo ya Modimo.”

70Hong ba goa botlhe ba re, “A jaanong o ipitsa gore o Morwa Modimo?” Mme a fetola a re, “Ee ke ene.”

71Mme ba goa ba re, “Re santse re tlhoka eng? Gonne rona ka bo rona re mo ikutlwetse a bua jalo.”
Copyright information for TsnLEF